Tshipi Noto: Monate wa Pina

Art State
Art State
Published in
3 min readSep 7, 2021

by Mpho Matsitle

Bella Medupi le Tshika Matsha, ka kgolaganyo le Setheo-Ditiragatso sa Freistata (Pacofs), ba ne ba epile pitso mo maitseboeng a Labotlhano. Mpho Matsitle, mophatlhalatsi wa ART STATE, o ne a le teng mme o latlhela la motlapitsong.

Bloemfontein e tsene mo setlheng sa dikgakologo, bontsi re na le go tlelwa ke tseatsego fa re ya mokaraganeng gore re apare jaang, segolo jaang mo maitseboeng. Ke ka foo e rile maitseboa a Labotlhano a goroga, Lwetse a sena go bona la boraro letlha, o ne o ka fitlhela bangwe okare ba ikhurumeditse ka dikobo, mme bangwe okare ba latlhetse hela tshega ba be ba tsena ka tsela. Re ne re kokwane kwa Studio 2 sa Andre Huguenet Theatre foo Setheo-Ditiragatso sa Freistata (Pacofs) se ne thankgolla kgwedi ya ngwao ka tlhagiso ya ga Tshika Matsha, Tshipi Noto, e kwadilweng ke Bella Medupi.

Go ya ka kepopitso mo tsebeng ya Pacofs ko Mponeng, Tshipi Noto ke tlhagiso ee latelang go thewa ga dintlokgolo tse nne tsa Barolong — ebong Tshidi, Seleka, Ratlou le Rrapulana — morago ga leso la Kgosikgolo Tau. Mme hela seno e ne e le go ikoketsa marago ka maje. Tlhagiso eno e ne e kaegile mo loratong la ga Naledi le Tsholofelo. Tsholofelo ke morrw’akgosi; mme seno ga se dire kgang ka gore, go ya ka mmaagwe-Naledi, Barolong ga se batho ba ba mabela ba ka nyala le balala. Ka moremogolo wa Tshipi Noto e le go ruta ka ngwao le lotso la Batswana, kgang e ya lorato la Naledi le Tsholofelo e ne e se pakakgotlang gotlhelele.

Basimane ba tswa letsholo. Source: JahRose Nthabiseng Japhta Facebook.

Tiragatso e simolla ka kgosi Keabua le mogatse ba ntse ba opela, kgosi e kgaotsa pina ya bone go kgala kgang ya gore Batswana ba itebetse, ebile ba ikobonya. Kgosigadi o gata mo mogatse a gatileng, a bo a tlhabeletsa pinabosechaba ya maloba ya Bophuthatswana. Dipono tse di latelang di bontsha dingwe tse Batswana ba di lebetseng ka bobona jaaka go tswa letsholo, go bolotsa basetsana le basimane, go roka pula, patlo le nyalo ya setso. Le fa tsone ka bongwe di itumedisa, dipono tsa Tshipi Noto ga di lomane serethe sentle. Go tlhaela tlhale e e ka di lomagantshang. Le poko ee diriswang go tlhalosa ditiragalo e ne e sa utlwale sentle ka badiragatsi ba ne ba goa mme gape Setswana sa bangwe ba bona se sa tlhapa.

Tswina ya Tshipi Noto e mo pineng. Badiratsi botlhe ba mantswe a phepha. Pono e ntshitseng botswerere jwa pina ya Setswana ke ya fa Tsholofelo a ipuelela mo go Naledi kwa molapong: Lekau le tla le thetheba pelo mo lekgarebeng. Lekgarebe le tshaba le go leba, le monyebo, la tletlerega, ga le itse le itheng. Fa a goroga o leba lekgarebe mo matlhong, o mo naya dithunya, lekgarebe la di amogela, lekau le tlala boitumelo, o simolola go bina go sena pina, o a tsapoga okare wa sia, mme fale o ema tsi!, o getla go leba yo o mogakatsang pelo, a be a mo re tsa! ka lerago a dumaduma jaaka mogatla wa ntswa e utlwa molodi wa dijo. Lekgarebe fa le bona tseno le a bo le gana nyaang wa banyana le re Barolong ba ntsetse! Yo o re nna weh. E bo Naledi le morrw’akgosi ba bina mmogo, pele ga mmaagwe-Naledi a ba arologanya. Pono enngwe ee itumedisitseng thata ke ya bofelo ya lenyalo la ga Naledi le Tsholofelo, mme e bone babogedi botlhe ba ema ka dinao ba itaa legofi go leboga le go akgola badiragatsi.

Ditiragatso tse dingwe tse di tsileng go tlhagiswa kwa Pacofs di akaretsa Loula (Lwetse 10) , 6x7 Feet Dimension (Lwetse 23), Nandi The Musical (Lwetse 25), le Tselane Le Dimo (Lwetse 30).

FEATURED IMAGE: Morrw’akgosi o kopa sego sa metsi. Source: JahRose Nthabiseng Japhta Facebook.

--

--

Art State
Art State

The Headquarters of Mangaung Art. Creative. Authoritative. We publish: news, reviews, features, interviews and more. Tweet team: @ArtStateMedia